Lefapha la Ditlhaeletsano dipotso tse di bodiwang gangwe le gape
E dire go nna kgwebo ya gago"
Bukana e ya dikgakololo e rulaganyeditswe go tokafatsa bagwebi le batho ba ba sa direng tiro ya sethekeniki, go tlhaloganya e-Commerce le go rotloetsa dikgatlhegelo tsa bona. Yona e tlhalosa ka ga motheo le botlhokwa jwa e-Commerce le go baya mo pepeneneng merero ya semolao ya fa motho a dira ka e-Commerce: gore e kaya eng mo mogwebing, tsela ya go simolola, le mareo a a dirisiwang ka tlwaelo.
KAROLO YA BO 1
E-Commerce e ka ga go dirisa mekgwa ya se-eleketeroniki mokgwa wa go tsamaisa kgwebo le tlhaeletsano.
E tlhalosa ka ga go refosana tshedimosetso mo mabakeng a kgwebo le a e seng a kgwebo, go reka le go rekisa dikuno le ditirelo, le go duela melato ka mafaratlhatlha a Inthanete.
E tlhalosa go gwebisana ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha kwa ntle ga go lebana mo matlhong ga ditlhopha tse pedi tse di amegang mo kgwebong.
Mosola wa e-Commerce ke ofe?
Bagwebipotlana ba ka fitlhelela dikgolagano le bagwebisani mmogo gongwe le gongwe mo lefatsheng ka bophara. Bagwebi ba ka rekisetsa badirisi ba bona thoto e se mo mebarakeng e e tlwaelegileng, ba ka batlisisa le ka ga mebaraka e mentshwa le go fitlhelela ditshono tsa kgwebo bonolo.
Bagwebi ba bannye ba ba sa kgoneng go tlhoma diofisi le ditheo tse dingwe kwa mafatsheng a kwa moseja jaanong ba ka oketsa ditshiamelo tsa kgwebo ya bona mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe.
Dikgwebo di ka kgona go kokoanya tshedimosetso ka ga dikuno, ka ga bareki le ba ba gaisanang natso ka go dirisa mafaratlhatlha a Internete, ka go rialo di kgone go oketsa tšhono ya tsona mo kgaisanong eo.
Dikgwebo di ka kgona go tshegetsa tšhono ya tsona mo kgaisanong e, ka go tlhoma dikgolagano tse di tletseng le badirisi le bareki nako nngwe le nngwe, bosigo le motshegare, go bona tshedimosetso ya sesweng ka ga dikuno le ditirelo ka mafaratlhatlha a Internete. Mo letlhakoreng je lengwe, tshedimosetso e ka ntšhwafadiwa nako nngwe le nngwe, go phimola bothata jwa tshedimosetso e e fetilweng ke nako.
Mafaratlhatlha a Inthanete a direla ditlamo di le dintsi mo mebarakeng ya se-eleketeroniki mo lefatsheng ditshono tsa go babatsa dikuno tsa tsona. Dikgolagano le bareki le tsona di ka tokafadiwa thata ka botlalo.
Ka go dirisa bokgoni jwa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng sebopego sa kgwebo, maina a dikuno le ditirelo di ka tlhomiwa sentle ka tshwanelo ka go dirisa mafaratlhatlha a Internete.
Dintlha ka ga tshedimosetso ya dithekiso di ka kokoanngwa ka nepagalo "go fokotsa go wela tlase ga dikuno" le ditshenyegelo tsa go tsamaisa kgwebo.
E-Commerce e ka tsenya tshedimosetso ya badirisi ka tlhamalalo mo sefalaneng sa tshedimosetso, ka go rialo kgwebo e kgone go sekaseka mekgwa ya badirisi le go babaletsa modirisi mongwe le mongwe ka sebele go ya ka mekgwa ya gagwe ya go reka.
E-Commerce ya Kgwebo-go-Kgwebo (B2B) e tlhalosa kgwebo e e rekisetsang dikgwebo tse dingwe. Mo mefuteng yotlhe e mengwe ya e-Commerce, mokgwa o wa go dira kgwebo se-eleketeroniki ka mafaratlhatlha a Internete kgotsa ka go Refosana Tshedimosetso Se-eleketeroniki, o tlhoka go ditirisiwa thata ka botlalo ka o na le kgonagalo e kgolo ya go godisa kgwebo.
Kgwebo-go-Modirisi: Kgwebo e direla badirisi ditshiamelo tsa go reka ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha a Internete, mme ka go rialo e ba letla go reka le go duela melato ya bona ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha a. Mofuta o wa go babatsa dikuno o somarela nako le ditshenyegelo tsa kgwebo le modirisi ka bobedi.
Modirisi-go-Modirisi: badirisi ba ka babatsa dikuno tsa bona ka sebele mo mafaratlhatlheng ka moemedi wa websaete gore badirisi ba bangwe ba di labalabele.
Puso-go-Moagi: mo ditirelong di le dintsi tse di abiwang ke Puso, bontsi jwa tsona bo ka dirwa ka mafaratlhatlha a diphasalatso tsa se-eleketeroniki. Ka go abela setšhaba ditirelo ka mokgwa wa se-eleketeroniki ga go somarele baagi nako le ditirelo tsa maemo a a kwa godimo fela, mme go tokafatsa le boleng jwa ditirelo le go somarela ditsheneyegelo. Ditirelo tse di akaretsa go duela melato ya Puso, go rulaganya difaele tsa difomo tsa lekgetho, go kwadisa batlhophi le go ntšhwafatsa dilaesense tsa go kgweetsa le tsa dikoloi, mo gare ga tse dingwe.
Puso-go-Dikgwebo: mokgwa o wa kgwebo gantsi o tlhalosiwa e le tsela e Puso e rekang ka yona thoto le ditirelo ka diphasalatso tsa se-eleketeroniki go tshwana le mafaratlhatlha a Internete. Mokgwa o ke wa mafaratlhatlha a go aba ditirelo ka tlhamalalo, ka go reka thoto le go kopa ditirelo le dikuno ka dithendara.
Ke eng o tshwanetse go ikgolaganya le e-Commerce?
Go ikagela le go rotloetsa tebego ya kgwebo ya gago
Go bapatsa le go rotloetsa dikuno le ditirelo tsa gago
Go tokafatsa dikgolagano tsa gago le badirisi ka go aba tshedimosetso ya sešhweng mmogo le go batlisisa ka ga ditirelo
Go amogela dikuno le ditirelo tse o di kopileng ka mokgwa wa se-eleketeroniki
Go gweba ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha a Internete
Go tlhoma dikgolagano tsa se-eleketeroniki le dimphato tsa kgwebo ya gago gore le kgone go rulaganya tsamaiso e e manontlhotlho ya kgwebo
Ditlhokego tsa botlhokwa ke dife?
Mafaratlhatlha a a tshwanang le megala ya thelefomo le didirisiwa tsa dikhomphiutara
Go ikgolaganya le Internete ka Moabi wa Ditirelo tsa Inthanete
Ka moabi wa ditirelo tsa web
Akhaonte ya e-meili gore o kgone go amogela dipatlisiso ka kakaretso, le go amogela dikopo ka mokgwa wa se-eleketeroniki
Leina la mafaratlhatlha a gago
Mafaratlhatlha a websaete a setlamo sa gago gore o kgone go babatsa sebopego sa setlamo le dikuno tsa gago ka Internete
Thekenoloji ya go tlhoma mafaratlhatlha a e-Commerce go tsamaisa kgwebo ka tlhamalalo le mokgwa wa tshireletso le taolo tsa go duela melato, di botlhokwa thata
Go tlhoma dikgolagano tsa mafaratlhatlha a se-eleketeroniki le dimphato tsa kgwebo ya gago
Ditshenyegelo tse dingwe tsa go dira ka e-Commerece ke dife?
Ditshenyegelo tsa go ikgolaganya
Ditshenyegelo tsa didirisiwa tsa mafaratlhatlha a dikhomphiutara
Go rulaganya le go tlhoma websaete
Go kwadisa leina la mafaratlhatlha a gago
Ditharabololo tsa e-Commerce tsa bokgoni jo bo farologaneng
Mafaratlhatlha a Inthanete a tlametswe ka tshireletso e kgolo. Ka mafaratlhatlha a dimilione-milione tsa dikhomputa tse di lomagantsweng mmogo, Internete e dumelela ditlhaeletsano tsa bonako jwa ponyo ya leitlho le go fetisa tshedimosetso, go akarediwa le go duela melato, go dikologa lefatshe ka bophara. Go oketsega ga bontsi jwa tshedimosetso e e tshwanetseng go romelwa se-eleketeroniki go tlhodile tlhokego e kgolo ya gore dikgolagano tse di babalesege ka botlalo. Ka jalo o tshwanetse go sireletsa mafaratlhatlha a gago kgatlhanong le batho ba ba batlang go a fitlhelela e se ka fa molaong kgotsa ba ba ka a tlhakatlhakanyang ka megare e e lwantshang dikhomphiutara ka:
Disireletsi tsa dipota tsa molelo
Mekgwa e e senolang disenyi tse di batlang go sutlhelela khomputa ya gago
Didirisiwa tse di tlhatlhobang megare e e ka tsenang mo khomphiutareng
Mekgwa ya tshireletso e e tshwanang le go dirisa nomoro ya gago ya boitshupo (ID), le leina la sephiri sa khupamarama, go fetola nomoro e, le leina kgapetsa kgapetsa, le tse dingwe
Tshireletso ya maemo a a kwa godimo fa o duela sengwe
Go netefatsa tshireletso ya maemo a a kwa godimo fa o batla go romela le go boloka tshedimosetso, le fa o batla go bona dintlha tsa modirisi wa gago ka tlhamalalo, le
Go phasalatso motlhala wa tshedimosetso ya gago ya sephiri
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng mo go mang le mang o tla go netefaletsa gore o tla nna le sephiri, bonnete jwa motswedi wa tirelo, seriti le gore o se tsenwetsenwe ke mang le mang.
A Dikgatlhegelo tsa Badirsi di ka Nna mo Kotsing?
Badirisi ba tshwanetse go nna le bonnete jwa gore thoto le ditirelo tse di abiwang mo mafaratlhatlheng ke tse di ikanyegang; le gore ba sedimosediwe pele ka botlalo fa ba batla go kopa sengwe ka tlhamalalo le gore mekgwa ya go baakanya diphoso, e teng fa ba sa itumelela mabaka mangwe a kgwebisano.
Badirisi ba tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le dikotsi tse di latelang:
Thoto le ditlhaeletsano tse di seng ka fa molaong
Thoto, ditirelo le diteng tsa didirisiwa tse di seng ka fa molaong
Tshedimosetso e e sa lekanang ka ga thoto kgotsa ka ga moabi wa ditirelo, ka moreki a sa kgone go sekaseka thoto eo ka sebele
Kotsi ya go tsenelela seriti le sephiri sa motho
Bogodu ka mafaratlhatlha a se-eleketeroniki, sekai; go utswa dinomoro tsa dikarata tsa kerediti ka Inthanete
Dikotsi tse dingwe
MAREO A A DIRISIWANG KA TLWAELO
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng mo go mang le mang ke eng?
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng ka gope mo go mang le mang ke tsela ya go tshola tshedimosetso e e romelwang e babalesegile le go sireletsa mokwalo o o ka se bonagaleng ka gope. Se se letla batho gore ba itirele kgwebo ya kwa dibankeng ka tlhamalalo, kgwebo ya tlhamalalo, le go reka ka tlhamalalo ba dirisa dikarata tsa kerediti tsa bona, kwa ntle ga go boifa sepe sa gore tshedimosetso ya diakhaonte tsa bona e ka utswiwa. Mokwalo o o sa buisegeng o botlhokwa thata mo go goleng ga mafaratlhatlha a Inthanete le kgwebisano ya se-eleketeroniki ka o re kgontsha go netefatsa go babalesega ga melaetsa, go fitlhelela le go laola metswedi ya tshedimosetso.
Mokwalo o o sa buisegeng le go rarabolola mokwalo o, ke eng?
Go dira gore mokwalo o se ke wa kgona go buisega ke mokgwa wa go fetola tshedimosetso gore, ka maikaelelo le mabaka a a botlhokwa, o se ke wa buisega ka gope kwa ntle ga sedirisiwa se se o rarabololang (senotlolo sa go ranola tshedimosetso). Maikaelelo magolo a ona ke go netefatsa sephiri sa khupamarama ka go tshola tshedimosetso e fitlhetswe batho ba ba sa tshwanelang go e fitlhelela. Go ranola mokwalo o, ke go busetsa morago go o lotlolola; le go fetolela tshedimosetso e e lotletsweng mo maemong a e ka buisegang bonolo ke mang le mang. Molaetsa wa kwa tshimologong o bidiwa gore ke molaetsa o o bonolo. Molaetsa o o fitlhilweng o bidiwa dikwalo tse di tshwanetseng go ranolwa. Mokwalo o o sa buisegeng o tlhalosa mokgwa mongwe le mongwe wa go fetola molaetsa o o bonolo go nna molaetsa o o lotleletsweng. Go ranola molaetsa o o fitlhegileng ke mokgwa wa go fetola molaetsa o go nna molaetsa o o bonolo o o ka buisiwang ke mang le mang.
Go Saena ga Sedijithale ke eng?
Go saena ga sedijithale, ga go a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le setifikeiti sa dijithale, mme ke go saena ka mokgwa wa se-eleketeroniki mo go ka dirisediwang go supa motho yo a rometseng molaetsa, motho yo o saenetseng dikwalo, kgotsa mong wa karata ya go reka ka molato ya kerediti. Go ka dirisiwa gape go netefatsa gore diteng tsa kwa tshimologong tsa molaetsa kgotsa tsa dikwalo tse di rometsweng ga di fetolwe ka gope. Go saena ga dijithale ka tlwaelo go tlhamiwa ka go dirisa setifikeiti sa dijithale ka go dirisa thekenoloji ya senotlolo sa botlhe le sa motho ka nosi sa poraefete.
Setifikeiti sa Dijithale ke eng?
Setifikeiti sa dijithale ke setifikeiti sa faele e e kgethegileng, e e rebolwang ka mokgwa wa senotlolo sa botlhe, se se golaganyang motho le senotlolo sa go lotlelela melaetsa e e sa tshwanelang go balega, sengwe le sengwe sa motho ka sebele sa poraefete se se tshwanetseng motho yoo, se tshwanetse go kwalwa go dirisiwa senotlolo sa "botlhe". Ke fela motho yo o letleletsweng go dirisa senotlolo se, yo o nang le bokgoni jwa go ranola tshedimosetso ka go dirisa senotlolo sa bobedi, se se tshwerweng sephiri sa khupamarama mo bathong botlhe, tshedimosetso eo e ka se ke ya buisega ka gope. Maatla a tshedimosetso e e fitlhegileng e e sa balegeng a thibela gore batho ba ba sa letlelelwang ba se ke ba notlolola tshedimosetso eo.
Bothati jwa Setifikeiti ke eng?
Bothati jwa Setifikeiti (CA - Certification Authority), ke bothati jwa mafaratlhatlha jo bo rebolang le go tsamaisa pabalesego le senotlolo sa botlhe tse di notlelang le go notlolola melaetsa. Bothati jwa Setifikeiti bo netefatsa bonnete jwa dikwalo go supa mong wa tsona ka sebele kgotsa mokgatlho wa tsona pele bo ka rebola setifikeiti sa dijithale.
Leina la mafaratlhatlha ke eng?
Leina la mafaratlhatlha ke leina le le ka gakologelwang bonolo, leo ka lona tirelo e ka fitlhelelwang bonolo mo Inthaneteng. Fela jaaka batho ba na le diaterese tse di tlhalosang ka botlalo kwa ba nnang teng, Leina la mafaratlhatlha ke la se-eleketeroniki go tshwana le aterese ya bonno jwa motho, fela mo maemong a se-eleketeroniki.
Go botlhokwa go farologanya magareng ga maina a mafaratlhatlha le diaterese tsa (Porothokolo ya Inthanete), "IP". Motšhini mongwe le mongwe o o lomagantsweng le Inthanete o na le aterese e e kgethegileng ya IP (e ka dinako dingwe e bidiwang gore ke nomoro ya IP). Aterese e e thusa gore melaetsa le tshedimosetso di romelwe ka nepagalo kwa motšhining oo. Sekai sa aterese ya IP ke: "160.124.112.23"
Go thibelela mo mokwalong o o sa buisegeng kgotsa Bogodu jwa Mafaratlhatlha ke eng?
Go thibelela mo mafaratlhatlheng" kgotsa "bogodu jwa mafaratlhatlha" ke go dirisa botlhaswa ditshwanelo tsa mong wa leina la kgwebo ka go kwadisa ka maikaelelo le ka mokgwa o o bosula leina la mafaratlhatlha, e se go le dirisa ka yona nako eo, fela legale e le go kwadisa leina la mafaratlhatlha ao mo leineng la mong wa kgwebo, gore o tle o mo duedise tlhwatlhwa nngwe. Se ke go romela badirisi go sele le go ba tlhakanya tlhogo kgotsa go ganela setlamo ka bokgoni jwa go tlhoma mafaratlhatlha a se tla a fitlhelelang bonolo ka tlhamalalo.
MAEMO A SEMOLAO KA GA GO DIRISA E-COMMERCE
Ke eng go tlhokagala melawana e mentšhwa?
Melawana ya semolao ya go tsamaisa kgwebo e tlhabolotswe ka ntlha ya go dirisa dipampiri ga setšhaba. E-Commerce e dirisiwa mo mafelong a a sa itsiweng kwa a leng teng, mo setšhabeng se se senang melelwane; tota le bontsi jwa melawana e e tlhabolotsweng ka ntlha ya kgwebisano ya mo maemong a setso, e e sa lekanang maemo a mantšhwa-ntšhwa a, a kgwebo.
Ke ka ntlha ya lebaka le, mo Puso e tsereng matsapa a go tlhoma thulaganyo ya semolao go siamisa merero e e tlhaelang ya semolao mabapi le e-Commerce, mme ka kakaretso le go tlhotlheletsa kgwebisano ya se-eleketeroniki mo Aforika Borwa. Mo maemo a, a tla kgontshang setšhaba go tsamaisa kgwebo a diretswe ditshiamelo ka Molaotlhomo wa Ditlhaeletsano tsa Se-eleketeroniki le Kgwebisano (Molaotlhomo wa-E, E-Bill) o o tla fetisiwang go nna molao mo tsamaong ya nako.
MABAKA A SEMOLAO KE AFE?
Go rotloetsa dikonteraka tsa se-eleketeroniki
Molaotlhomo o dira ditshiamelo tsa gore dikonteraka di tlhamiwe ka mokgwa wa se-eleketeroniki di be di amogelwe semolao.
Tshireletso ya Badirisi ya Semolao
Molaotlhomo o dira ditshiamelo tsa go sireletsa badirisi semolao mo maemong a se-eleketeroniki. E aba tshedimosetso, e e tshwanetseng go rebolelwa badirisi pele go konosediwa kgwebo ka tlhamalalo (se se akaretsa tlhwatlhwa ya dikuno kgotsa ditirelo, dintlha tsa go ikgolaganya le bagwebisane mmogo le ditshwanelo tsa go intsha mo kgwebisanong ya se-eleketeroniki pele e konosediwa). Gape o dira tshiamelo ya paka ya nako ya "maemo a moriti o o tsididi" eo mo go yona badirisi ba ka phimolang kgwebisano e e konoseditsweng ka tlhamalalo kwa ntle ga go otlhaiwa ka go duedisiwa. Badirisi ba na le ditshwanelo tsa go se gapelediwe ditlhaeletsano tse e seng tsa semolao ka go ba abela thoto le ditirelo. Molaotlhomo o gape o rwesa dikgwebo boikarabelo jwa go dira kgwebo ka tlhamalalo gore di tle di kgone go dirisa lenaane la go duela melato le le babalesegileng le le le lekaneng.
Go amogela le go netefatsa go saena ga sedijithale semolao
Go dirilwe ditshiamelo mo Molaotlhomong tsa go amogela go saena ga se-eleketeroniki le "go saena mo go tsweletseng pele ga se-eleketeroniki". Molaotlhomo o amogetse semmuso mekgwa yotlhe ya go saena ga se-eleketeroniki go nna le maemo a semolao a a tletseng le go netefalediwa go lekana le go saena ka seatla sa motho ka sebele.
Bosenyi jwa go sutlhelela le bogodu jwa mo mafaratlhatlheng
Karolo ya bo XII ya Molaotlhomo e tsenya mo dibukeng tsa semolao tsa Aforika Borwa merero e e tsamaelanang le bosenyi e e mabapi le manaane a tshedimosetso. Bosenyi jo bo tsamaelana le go fitlhelela mafaratlhatlha mo go sa dumelelwang semolao; go kgoreletsa kgotsa go sunya nko mo tshedimosetsong; go tlhakatlhakanya mafaratlhatlha a dikomphiutara, bogodu kgotsa go tsietsa. Motho mongwe le mongwe yo o thusang kgotsa yo o emang nokeng motho yo mongwe go dira ditiro tsa bosenyi jo, le ena o tla latofalediwa gore o ntse le seabe fa go dirwa tiro eo ya bosenyi. Molaotlhomo o tlhomile kotlhao e ka yona, fa motho a bonwe molato wa bosenyi jwa mofuta o, a ka otlhaiwang ka yona.
Ke eng Puso e tshwanetse go Amega mo melaong e e tsamaisang e-Commerce?
Seabe sa Puso se botlhokwa go tlhoma maemo a a kgontshang go oketsega ga ditshiamelo tsa e-Commerce le go tlosa mabaka a a sa itumediseng a a ka tlholang kgonagalo ya dikgoreletsi le maparego mo ditlhaeletsanong tsa se-eleketeroniki le merero ya kgwebo.
Ka go rotloetsa maemo a a netefaditsweng a semolao le boikanyego mo bagwebing le badirisi fa ba gwebisana ka tlhamalalo.
Ka go sireletsa badirisi semolao ka botlalo.
Ka go dira ditshiamelo tse di lekaneng tsa gore motho a kgone go fitlhelela mafaratlhatlha le ditirelo.
Ka go amogela gore ditheo tsa di-SMME di amogele e-Commerce le go e phasalatsa ka bonako gore e dirisiwe ke baagi botlhe ba Aforika Borwa.
Ka go rotloetsa le go gatelela gore botlhe ba itse le go rutiwa ka ga merero ya e-commerce.
Ka go ngoka dipeeletso tse di tlhokegang tsa ditšhelete le kitso ka botlalo le;
Ka go tlhoma Puso mo maemong a a siametseng gore e dirise e-Commerce.
Lefapha la Ditlhaeletsano
Mogala: +27 472 8000 - Fekese: +27 427 8026
